Tekatekano go botlhe!
Ke tshwanelo ya rona
Molao 4 wa Thotloetso ya Tekatekano le Thibelo ya Kgethololo e e sa Siamang wa 2000
Setlhogo sa 1: Batho ba Aforika Borwa, a lo a itse gore Molaotheo o tshola mongwe le mongwe ka go lekana? Ee, le fa re farologana, Molaotheo o netefatsa tshwanelo ya tekatekano go botlhe
Tshwanelo ya tekatekano e tlhagelela mo Karolong ya bo 9 ya Molaotheo wa rona. Tshwanelo e, e amogela gore rotlhe re a farologana le gore ga re a tshwanelwa go kgethololwa ka ntlha ya dipharologano tsa rona.
Se se raya gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsholwa ka tlotlo le ka seriti ke mongwe le mongwe le puso.
Molao wa Thotloetso ya Tekatekano le Thibelo ya Kgethololo e e sa Siamang o ne wa fetisiwa ka 2000 go netefatsa fa tekatekano e fitlhelelwa. Gape o ikaelela go thibela kgethololo e e sa siamang e e ikaegileng ka lebaka le le lengwe kgotsa a le mantsi, go akaretsa bong, lotso le bogole.
Setlhogo sa bo 2: Mo temokerasing, rotlhe re na le tiro le maikarabelo a go tlotla ditshwanelo tsa ba bangwe. Rotlhe a re dirisaneng go rotloetsa tekatekano le go lwantsha kgethololo e e sa siamang.
Molao wa Thotloetso ya Tekatekano le Thibelo ya Kgethololo e e sa Siamang wa 2000
Setlhogo sa bo 3: Maikaelelo a Molao ke eng?
Molao o teng go:
rotloetsa tekatekano;
sireletsa seriti sa batho;
thibela kgthololo e e sa siamang le tiriso ya puo ya letlhoo le tshotlo; le rotloetsa mowa wa temokerasi.
Setlhogo sa bo 4: Kgethololo ke eng?
Kgethololo ke tiro kgotsa tlwaelo e e farologanyang batho kgotsa ditlhopha e bile e gatelela ba bangwe fa ba bangwe e ba tswela mosola.
Nako e nngwe kgethololo e ka nna e e siameng. Kgethololo e e siameng ke kgato e e amogelesegang e e kganelang batho ditšhono kgotsa dithuso, sekao go se thape sefofu go nna mokgweetsi.
Kgethololo e e sa siamang, ka fa letlhakoreng le lengwe, ga e amogelesege: sekao, go se thape motho ka ntlha ya maemo a gagwe a HIV/Aids.
Setlhogo sa bo 5: Puo ya letlhoo le tshotlo ke eng?
Puo ya letlhoo ke mofuta mongwe le mongwe wa tlhaeletsano o o ikaelelang go utlwisa botlhoko, go tlhola kotsi kgotsa go rotloetsa letlhoo.
Tshotlo ke maitsholo mangwe le mangwe a a tswelelang pele a a sa batlegeng a a tlholang maikutlo a kutlobotlhoko kgotsa a go tshosetsa a a amanang le bong jwa motho, tsa lorato kgotsa botokololo.
Setlhogo sa bo 6: Ke kwa kae kwa ke ka yang kwa teng fa ke akanya gore ke a kgethololwa?
Mongwe le mongwe yo o akanyang gore o kgetholotswe e ka bona Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, Khomišene e e ka ga Bong kgotsa nngwe ya Dikgotla tsa Tekatekano mo lefelong la bona.
Setlhogo sa bo 7: Dikgotla tsa Tekatekano ke eng?
Tsona ke dikgotla tse di kgethegileng tse di leng teng go thusa batho ba ba kgetholotsweng mo go sa siamang.
Dikgotlakgolo tsotlhe le Dikgotla di le dintsi tsa Bomagiseterata di ka dira jaaka Dikgotla tsa Tekatekano. Dikgotla tsa Tekatekano di farologana le dikgotla tse dingwe ka gonne:
Ga di duedise.
Di samagana le merero ya gago ka bonako le ka mo go sa tlwaelegang.
O ka nna wa emelwa ke mongwe fela le fa motho yoo e se mmueledi.
Di na le ditlelereke tsa Kgotla ya Tekatekano tse di yang go go thusa malebana le ngongorego ya gago le dithulaganyo.
SAHRC e ka go thusa jang?
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa
SAHRC ke setheo sa bosetšhaba se se dirang ka go ikemela go rotloetsa, go sireletsa le go tlhokomela ditshwanelo tsa botho mo Aforika Borwa.
Fa o batla go itse go le gontsi ka ga tshwanelo ya gago ya tekatekano, ikgolaganye le Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa.
Fa o akanya gore o motswasetlhabelo sa kgethololo e e sa siamang, ikgolaganye le Lefapha la Ditirelo tsa Semolao la SAHRC, le le yang go batlisisa ngongorego ya gago.
Mogala: 484 8300
Kgotsa ikgolaganye le nngwe ya dikantoro tsa SAHRC:
Kantorokgolo
484 8300 Fekese: 011 484 7149
Kapa Botlhaba
582 2611/4094 Fekese: 041 582 2204
BLOEMFONTEIN
447 1130 Fekese: 051 447 1128
304 7323/4/5 Fekese: 031 304 7323
291 3500 Fekese: 015 291 3505
Fekese: 752 6890
Kapa Bokone
332 3993/4 Fekese: 054 332 7750
426 2277 Fekese: 021 426 2875
Itse ditshwanelo tsa gago. Amogela Maikarabelo a gago
